FA805425

KITSISO YA KOPO YA LAESENSE YA TIRISO YA METSI (WULA) YA GO KOPANYA LE GO FETOLA LAESENSE YA TIRISO YA METSI (WUL) LE MATLELELETSO YA YONE E E NEELWENG GO SOUTH DEEP JV: SOUTH DEEP GOLD MINE TALETSO YA GO IKWADISWA JAAKA LEKOKO LE LE LE KGATLHEGANG LE LE LE AMEGANG (I&AP); LE TSHWAELO KA LENOLO LE LE KOPANYENG LA TERAFO YA INTEGRATED WATER AND WASTE MANAGEMENT PLAN (IWWMP) DWS Reference Number: WU31462 Manyabe Consultancy (Pty) Ltd Project Code: 202330 Kitsiso e neelwa go ya ka Section 17(3) ya Molawana wa Kitsiso wa Puso (GNR.) No. 267 mo Kuranteng ya Puso No. 40713 (24 Mopitlwe 2017), ya National Water Act, 1998 (Act No.36 of 1998) (NWA) ya South Deep JV: South Deep Gold Mine (Pty) Ltd`s a go romela kopo ya go kopanya le go baakanya Laesense ya Tiriso ya Metsi (WUL). Moepo o kwa Westonaria mo gare ga Mmasepala wa Selegae wa Rand West City, Mmasepala wa Kgaolo ya West Rand, Porofense ya Gauteng. South Deep JV: South Deep Gold Mine e ne ya newa WUL kwa tshimologong go ya ka Kgaolo 4 ya NWA ka la bo 21 Ngwanaitseele 2011 (Nomoro ya Laesense: 03/C22J/ACFGIJ/1369). WUL e ne ya baakanngwa le go ntshiwa gape ka la bo 19 Ngwanaitseele 2018 (Nomoro ya Laesense: 08/C22J/GCEFIJA/8705), e e neng ya emisetsa WUL ya 2011. WUL le yone e ne e na le diphoso. Mametlelelo ya WUL e e ntshitsweng e ne ya ntshiwa ka la bo 29 Phukwi 2021. Ga jaana, ka fa tlase ga WUL ya 2018 le mametlelelo ya yona, South Deep JV: South Deep Gold Mine o letleletswe tiriso e e latelang ya metsi: Karolo 21(a),(c),(e),(f),(g),(i) le (j) ya NWA. WUL e e tshitshintsweng le diphetolo tsa yona tsa tlaleletso, le porojeke ya go kopanya di tlhoka tetla ya tiriso ya metsi ka fa tlase ga Karolo 21(a),(b),(c),(e),(f),(g),(i) le (j). Manyabe Consultancy (Pty) Ltd (MC) e tlhomilwe jaaka Modiri yo o ikemetseng wa Tshekatsheko ya Tikologo (EAP), go dira dithulaganyo tsa kopo tse di umakilweng fa godimo mo boemong jwa South Deep JV: South Deep Gold Mine. Kopo e tla romelwa kwa Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe (DWS). Go ya ka Karolo 50 le 52 ya NWA, South Deep JV: South Deep Gold Mine e dira kopo ya paakanyo ya WUL e e Kopantsweng (IWUL) ya tiriso e e farologaneng ya metsi ya Karolo 21. GO TEMA GA TERAFO YA IWWMP YA GO TLHATLHOBA SETHABA: Sekwalwa sa IWWMP sa porojeke e e umakilweng fa godimo, se teng go ka sekasekwa le go tshwaelwa ke sethaba go tloga ka Labotlhano, 10 Phukwi 2026 go fitlha ka Labone, 10 Lwetse 2026 mo webosaeteng ya MC (www.manyabeconsultancy.com) le kwa Laeboraring ya Sethaba ya Thusanang. TALETSO YA DIKOPANO TSA DITLHOPHA TSE DI TSEPAMENG TSA GO TSHEKATSHEKA TERAFO YA IWWMP: Lefelo Letlha Nako Dikopano tse pedi (2) tsa phatlalatsa tsa setjhaba ka kakaretso: Lido Lodge along R28 22 Phukwi 2026 10:00 – 12:00 Westonaria Public Library 22 Phukwi 2026 14:00 – 16:00 Dikopano tse pedi (2) tsa ditlhopha tse di tsepameng tse di tla bidiwang mo inthaneteng (ka Ditlhopha tsa MS) tsa ditlhopha tse di latelang tsa bannaleseabe: Service Providers Industry and Government Non-Governmental Organisations 24 Phukwi 2026 10:00 – 12:00 Tokomane ya Tshedimosetso ya Lemorago (BID) le makwalo a a neelanang ka dintlha ka ga porojeke e e tshitshintsweng a anamisiwa go Makoko otlhe a a supilweng a a nang le Kgatlhego le a a Amegang (I&APs), a a gokeletseng Mmapa wa Lefelo o o bontshang lefelo la porojeke e e tshitshintsweng. Di- I&AP gape di lalediwa go tsaya karolo ka go tlamela ka ditshwaelo tse di kwadilweng, di sena go tlhalosa dinomoro tsa tshupetso tse di fa godimo le dintlha tsa tsone tsa kgolagano, go Rre Romeo Mpofu di dirisa dintlha tsa kgolagano tse di fa tlase, ka kgotsa pele ga Labone, 10 Lwetse 2026. Manyabe Consultancy (Pty) Ltd: Aterese ya Lefelo : Corner Paul Smith Street and 10th Avenue, Unit 269, Ravenswood Mews, Boksburg North, 1459 Mogala: 011 863 1079 Imeile: romeo@manyabeconsultancy.com

Reference Number: FA805425

View All Classifieds View Legal Notices Entries

Back to top button